2 Peter 2

Baruti ba tsietso

1Mme go ne go na le baporofiti ba tsietso mo malatsing ao, fela jaaka go tlaa nna le baruti ba tsietso mo go lona. Mme ka botlhale jwa bone ba tlaa bolela maaka kaga Modimo, ba fularela le e leng Morena wa bone yo o ba rekileng; mme ga bone e tlaa nna bokhutlo jo bo bofefo jo bo boitshegang. 2Ba le bantsi ba tlaa latela thuto ya bone e e bosula ya gore boaka ga bo molato. Mme ka ntlha ya bone Keresete le ditsela tsa gagwe di tlaa sotlwa.

3Baruti ba, ka ntlha ya bohatlha jwa bone, ba tlaa lo bolelela sengwe fela gore ba tseye madi a lona. Mme Modimo o ba atlhotse bogologolo mme tshenyego ya bone e mo tseleng e a tla. 4Gonne Modimo ga o a ka wa rekegela le e leng baengele ba ba neng ba leofa, mme o ne wa ba latlhela mo moleteng, ba gokeletswe mo dikgageng tse di lefifi go fitlhelela letsatsi la katlholo. 5Mme ga o a ka wa rekegela batho ba bogologolo mo morwaleleng fa e se Noa fela, motho yo o esi yo o neng a buelela Modimo le ba ntlo ya gagwe ba supa. Mo lobakeng loo, Modimo o ne wa nyeletsa lefatshe lotlhe le batho ba ba sa boifeng Modimo ka morwalela o mogolo. 6Kwa morago wa fetola metse ya Sodoma le Gomora dithotobolo tsa melora wa bo wa e tlosa mo ponong ya lefatshe, wa ba dira sekao sa botlhe ba ba sa boifeng Modimo gore ba lebe kwa morago mme ba boife.

7
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Petere II 2:8.
8
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Petere II 2:7-8.
Go ntse go ntse jalo Modimo wa falotsha Lote mo Sodoma ka ntlha ya gore e ne e le mosiami, a utlwisiwa botlhoko ke bosula jo bo maswe jo a neng a bo bona gongwe le gongwe mo tikologong ya gagwe malatsi ka go tlhatlologana.

9Jalo Modimo o ka falotsha nna le wena mo dithaelong tse di re dikaganyeditseng, mme wa tswelela ka go otlhaya ba ba sa o boifeng go fitlhelela letsatsi la bofelo la katlholo le tla. 10O setlhogo bogolo mo go ba ba tsamayang mo bosulengjwa bone, le mo dikakanyong tsa dithato tsa bone, le ba ba ikgogomosang ebile ba le bodipa, ba sa boife go nyatsa Bagalaledi, le fa e le go ba sisimoga, 11le fa baengele ba ba kwa legodimong ba ba emang fa pele ga Morena, ebile ba nonofile thata go gaisa baruti ba ba tsietso, ba se ke ba bua ka lonyatso mabapi le ba ba bosula ba.

12Mme baruti ba tsietso ba dieleele, ga ba botoka bope go na le diphologolo. Ba dira sengwe le sengwe se ba ikutlwang ba se rata; ba tsaletswe go tshwarwa fela le go bolawa, ba nyatsa nonofo e e boitshegang ya bobipo e ba itseng go le gonnye fela ka yone; mme ba tlaa nyelediwa mmogo le mewa e e maswe yotlhe le dinonofo tsa molete.

13Eo ke yone tuelo e baruti ba ba tlaa e bonang ka ntlha ya dibe tsa bone. Gonne ba nna mo botlhapelweng jo bo maswe ja letsatsi le letsatsi. Ba tlhabisa ditlhong ebile ba leswe mo go lona, ba lo tsietsa ka go tshela mo sebeng ka ntlha e nngwe ba tlhakana le lona mo medirong jaaka ekete ke batho ba ba ikanyegang. 14Ga go na mosadi ope yo o ka falolang tebo ya bone ya boleo, mme ka boaka gone, ga ba ke ba kgotsofala. Ba hepisa basadi ba ba sa tiang mo tumelong, ba ithutile go nna bohula; mme ba atlhotswe ebile ba hutsitswe. 15Ba dule mo tseleng mme ba latlhegile jaaka Balame, morwa Beore, yo o neng a ratile madi a o neng a ka a bona ka go dira tshiamololo. 16Balame o ne a emisiwa mo tseleng ya gagwe ya boeleele fa tonki ya gagwe e bua nae ka lentswe la setho, e mo omanya e mo kgalemela.

17Batho ba ga ba na mosola ba tshwana fela le metswedi ya metse e e kgadileng, ba solofetsa go le go ntsi mme ba sa tlise sepe; ga ba a nitama fela jaaka leru le le kgwekgweediwang ke matsubutsubu a diphefo. Ba sekisitswe go ya meleteng ya lefifi la bosakhutleng.

18Ba ipelafatsa ka maleo a bone le phenyo. Mme ba dirisa dithata tsa bone jaaka seru sa bone ba hepisetsa; ba ba falotseng botshelo jo bo maswe joo mo sebeng gape.

19Ba ba raya ba re, “Ga lo a bolokwa ka go nna tshiamo; lo ka nna lwa bolokwa ka go tlhoka tshiamo. Dirang se lo se ratang, lo gololesege.” Mme bone baruti ba ba ba nayang “kgololesego” e e mo molaong ke bone batlhanka ba boleo le tshenyego. Gonne motho ke motlhanka wa se se mo laolang. 20Mme fa motho a falotse mekgwa e e bosula ya lefatshe ka go ithuta ka ga Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete, mme a bo a ithatheletsa ka sebe a bo a nna motlhanka wa sone gape, o maswe bogolo go gaisa jaaka a ne a ntse pele. 21Go ne go ka nna botoka fa a ne a ise a ke a itse ka Keresete gotlhelele go na le go ithuta ka ga gagwe mme morago ga moo a bo a fapoga melao e e boitshepo e o e neetsweng. 22Mogologolo a re, “Ntsa e boela mo matlhatseng a yone, mme kolobe e tlhapisediwa fela go bowa e bidikama mo morageng gape.” Go ntse fela jalo le mo go ba ba boelang mo dibeng tsa bone gape.
Copyright information for TsnLEF